HartRAO home

Bolepamagodimo ba Hartebeesthoek


Lefelo

Bolepamagodimo ba Hartebeesthoek (HartRAO) ke ba mofuta wa bona bo le nosi mo Afrika ka bophara. Bo agilwe mo mokgatsheng, mo gare ga dithaba tsa ga Mogale, dikilometara di le 50 bophirima ba Gauteng (Johannesburg).

map
Lefelo la Hartebeesthoek le mo porofenseng ya Gauteng mo Afrika Borwa.

HartRAO e tswa kae?

Bolepamagodimo bo bo simolotse e le seteisene sa tsa magodimo-teng se bidiwa "Deep Space Station 51", mme se agilwe ka ngwaga wa 1961 ke ba NASA (National Aeronautics and Space Administration) ya ko Amerika. Diyalefaufaung (space probes) di le mmalwa tsa Amerika di ile tsa tlhokomelwa go tswa fano, tsona di akaretsa "Ranger", "Surveyor" le "Lunar Orbiter" e e ileng ya kgona go fitlha kwa Ngweding e bo e tsaya Ngwedi ditshwantsho go tswa mo moweng. Di-mmishene tse dingwe tsa "Mariner" tsona di ile tsa tlhatlhoba dipolanete tse go tweng Venus le Mars, fa tsa "Pioneers" tsona di ile tsa lekanya diphefo tse di tswang Letsatsing.

Seteishene se ile sa neelwa ba lekgotla la CSIR (Council for Scientific and Industrial Research) ka ngwaga wa 1975, mme sa fetolelwa go Bolepamagodimo ka radio. Ka ngwaga 1988 sa neelwa mmuso, ka fa taolong ya FRD (Foundation for Research Development), e e rileng ka ngwaga wa 1999 ya fetolelwa go NRF (National Research Foundation).

Selepamagodimo ka Radio

Bophara ba sekotlele sa telesekoupo (e e tshwantshitsweng fa tlase fa) ke dimitara di le 26. Boima ba sona bona ke ditone di le 260. E amogela makhubu a radio ka di "radio receiver", go tloga ka boleele ba disentimitara di le 18, go ya go 13, 6, 4.5, 3.5 go fitlha ka 2.5. Di " radio receiver" tse di tsidifatswa go fitlhela go ditemperetshara tse 16° godimo ga "absolute zero"(-257° Celsius) go dira gore ditlhatlhobo tsa makhubu di nepagale thatathata. Dipatlisiso tsotlhe di laolwa ka komputara.

telescope
Ka fa molemeng fa pele ke lonaka lwa GPS. Mo gare ka fa mojeng ke Laser Ranger ya Satelaete. Ka kwa morago ke telesekoupo ya 26-m ya radio.

Asteronomi

Mo dithutong tsa radio asteronomi go diriswa mekgwa ya dipatlisiso e le mene, e bong: radiometeri, spekteroskopi, go tsaya nako ka diphalesa le interferometeri. Tlhaloso ya dipatlisiso tse e a latela.

Radiometeri

Makhubu a radio a tswa mo dilong tsa mefuta e mentsi mo galakesing ya rona ya Molalatladi (Milky Way) le mo digalakesing tse dingwe tse di kgakala thata. Dingwe tsa dilo tse di ithutiwang, di batlisiswa mo Hartebeesthoek ke tse di latelng:

Go lekola gase e e fisang mo galakesing ya rona ya Molalatladi (Milky Way), makhubu a radio a a tswang mo Loaping lwa Borwa ba Lefatshe lotlhe a tshwantshitswe ka telesekoupo ke baithuti go tswa univesiting ya Rhodes. Bontlhabongwe ba mmepe o bo a latela.

radio map of the sky
Makhubu a radio a boleele ba disentimetara tse 13 (2326 MHz) go tswa gareng ga Molalatladi (Milky Way).

Digase tse di molelo go tswa kgakalakgakala di bitswa digalakesi tsa radio (radio galaxies), dibeleisa (blazars), le dikhweisa (quasars). Digase tse di thunyang tse di tswa mo dilong tse di boitshegang, mme di phutlhametseng mo teng ga botsona, mme di bitswa di "black hole". Digase tse di thunyetsang ntlheng ya rona di lebega di fofa ka lobelo lo lo fetang lwa matlhasedi a Letsatsi go tla Lefatsheng, e bile di ka bonala di phatshima go feta lesedi la naledi ga kete tse sekete tse sekete (1 billion times). Galakesi e e gaufi le rona e bong ("Centaurus A, NGC5128") e bonala mo bogare-mojeng wa setshwantsho se se mo godimo.

Spekteroskopi

Tlhago e itiretse spekteroskopi sa go lekola lesedi la letsatsi le re le bonang, e leng marothodi a pula. Marothodi a pula a aroganya mme a phatlalatse marang a Letsatsi, a a bitswang lesedi le lesweu (white light), go re marang a a dire mola-wa-godimo (rainbow). Mola-wa-godimo o re bontsha mebalabala e e kopantseng ke tlhago go bopa lesedi la Letsatsi. Ka mokgwa o o tshwanang le o, re ka dirisa botaki ba "electronics" go aroganya marang a makhubu a radio go tswa mo dilong tse di mo lofaufaung.

Diathomo le dimolekhule (atoms and molecules) mo lofaufaung di ka ntshetsa ntle makhubu a radio a disentimetara tsa boleng bo bo rileng. Di ithutwa ka tiriso ya sepeketerometara (spectrometer).

Sekai se bonwa mo ditlhatlhobong tsa dimeisa, e leng marang a a bogale, a atswang mo dimolekhuleng tsa go tshwana le "hydroxyl (OH)" le "methanol (CH3OH)". Di bonwa mo loroleng lo lo dikanyeditseng dinaledi tse di sa tswang go tsalwa.

Dinaledi tse di gaufi le bukhutlo ba botshelo ba tsona di kgona go dira dimeisa. Naledi ya go nna jaana e a buduloga, e fetoga naledi e khibidu ya dimo, e go tweng "red giant star". Go tloga fa dimo-naledi e e tlaa iphophota dipota tsa kwa ntle (outer layers) ka maatla, e golele pele, e ngotlege, e boe e gole, fela jalo. Se se tlhola leru le le boitshegang la gase le lorole lo lo kitlaneng thata, lo foka go tswa mo naledi-dimong e. Dimeisa tsa "hydroxyl" di ka nna mo lerung la mothale o. Go tswa mo ditemogong tsa dimeisa, go ka bonwa selekanyo sa leru le, ga mmogo le bokgakala ba naledi ya teng. Setshwantsho se se fa tlase se bontsha go fapaana ka lekete (intensity) ga dimeisa tsa "hydroxyl" go dikologa naledi e e tsofetseng. Mo setshwantshong se go dirisitswe mmala o mohibidu, o botala ba lee le botala ba bojang go supa go fapaana ga maatla a meisa fa e ntse e gola, e ngotlega, e gola.

hydroxyl masers
Mela ya "spectra" tsa dimeisa tsa "hydroxyl" mo naleding e e tsofetseng, di fapaana ka lekete.

Go tsaya nako ya diphalesa "pulsars"

Dinaledi tsa boima bo bo fetang ba Letsatsi ga lesome fa di swa di ntsha makhubu a radio a mofuta o mongwe, jaaka go thunya go go boitshegang (supernova). Fa boima ba naledi e bo letla, ka dinako tse dingwe naledi e e ka wela mo botenngeng ba boyona, ka ntlha ya maatla a kgogelo ya boimakete ba naledi e (gravity). Go tswa fa naledi e e ya ipotoka, e itire kgolokwe kapa bolo ya dinuterone (neutrons), ya baphara ba dikilometara di ka nna someamabedi. Dinaledi tse tsa dinuterone (neutron stars) di dikologa ka bonako thata mme di na le maatla a kgogedi (magnetic fields) a a bokete thata. Ka jalo di kgona go ntsha marang a makhubu a radio fa di ntse di dikologa. Selepamagodimo sa radio se bona go uba ga marang a fa a tswela ntlheng ya sona, jaaka lebone la koloi ya setimamolelo le dikologa. Ditshekatsheko le dipatlisiso tsa diphapaano tsa marang a di re ruta go tlhaloganya botennye ba dilo tse di gakgamatsang tse.

pulsar
Marang a makhubu ke naledi e e bidiwang nuterono e e dikologang ka bonako mme e re bontsha marang fa e ntse e feta e lebeletse selepagodimo sa radio.

Tiriso ya Selepamagodimo sa selekanyo sa Lefatshe

HartRAO e na le tirisanommogo le mafapha a mangwe jaaka EVN, e leng (European VLBI Network), e bi le gape e dirisana le ba AT-LBA (Australia Telescope Long Baseline Array, ba APT (Asia Pacific Telescope, US VLBA (United States Very Long Baseline Array), Global Array ga mmogo le Halca / VSOP e leng selepamagodimo sa radio se se dikologang Lefatshe.

Tiriso VLBI e re letla go bona dilo tse dinnye thata tse, tse di sa bonweng bonolo le ka dibonelakgakala tsa leitlho (optical telescopes) tsa makgonte tota. Sekai sa tiriso ya VLBI ke mo tshedimosong ya di meisa (masers) le dikhweisa (quasars) tse di betsegang gare ga dinaledi tse di ikadileng le Molalatladi (Milky Way).

VLBI network
Dikgokagano tsa dilepamagodimo tsa radio tse di dirisetswang VLBI ya magodimo.

Go ithuta Popego ya Lefatshe ka tiriso ya Asteronomi le tsaMagodimo
(Space Geodesy)

Mo lenaneong le mo HartRAO go diriswa mefuta e meraro ya dipatlisiso, e bong: VLBI (Very Long Baseline Interferometry), SLR (Satellite Laser Ranger) ga mmogo le GPS (Global Positioning System).

Go ithuta Lefatshe ka tiriso ya VLBI

Dikhweisa (quasars) di kgakalakgakala, mo e bi leng di bonala e kete di tlhometswe mo lofaufaung. Fa re di lekola ka tiriso ya kgokagano ya VLBI, re kgona go lekanya bokgakala magareng ga dilepamagodimo tsa radio mo mafatsheng a mangwe, ka nepagalo ya go fitlha disentimetara. Se se re kgontsha gape go lekanya go suta ka iketlo ga dikontinente mo godimo ga Lefatshe, le go roroma ga Lefatshe fa le ntse le dikologa. Ke ka ntlha ya tiriso e selepamagodimo sa HartRAO se fetogileng ntlha-kgolo mo lenaneong la bosetshaba la dipatlisiso (National Survey System). Lenaneo le le bitswa "Hartebeesthoek 94 Datum". HartRAO ke karolo ya tirisanommogo ya IVS (International VLBI Service for Geodesy and Astrometry).

geodetic VLBI
Go suta ga dilepamagodimo tsa radio go lekanngwa ka tiriso ya VLBI ya jiodesi. Selepamagodimo sa Hartebeesthoek se suta ka boleng ba disentimetara tse 2.5 ka ngwaga, se ya ntlheng ya Bokone-Botlhaba. Mela e mesetlha e supa karoganyo ya Boalo ba Lefatshe (Tectonic plate boundaries).

Tiriso ya Leisa ya Satelaete (Satellite Laser Ranger)

Satelaete ke selo se se dikologang Lefatshe, mme e ka dirisetswa dipatlisiso tse dintsi. Leisa ya Satelaete (SLR) ke e dira mo tlase ga lenaneo la tirisanommogo le ba-NASA. E dirisetswa go tlhatlhoba le go re sedimosa ka nepagalo motlhala oo disatelaete di le mmalwa di dikologang Lefatshe ka ona. Disatelaete tse di akaretsa tsa GPS (Global Positioning System), e leng tse di dirisetswang go lekanya diphetogo mo bogodimong ba lewatle (sea surface height). Le go lekanya kgogedi ya boimakete (gravity field) ya Lefatshe. HartRAO ke karolo ya Leise ya Satelaete ya Boditshabatshaba, e e bitswang "International Laser Ranging Service" (ILRS).

SLR at night
Leisa ya Satelaete mo tirisong, bosigo.

Kgolagano ya di-GPS (Global Positioning System)

Kgolagano ya diteisene tsa GPS e diriswa go anama le Afrika Borwa ka bophara, mo dipatlisisong tse di nepagetseng tsa Bonetetshi le go re naya ntlha-kgolo (reference point) ya dipatlisiso tsa Bosetshaba (National Survey Systems). HartRAO ke lefelo mo Afrika le e leng lekunutu la kitso ka tsa GPS Lefatshe ka bophara (Regional Data Center of the International GPS Service, IGS).

GPS satellite
Satelaete ya GPS e dikologa Lefatshe.

Dithuto le Phasalatso ya Bonetetshi kakaretso
(Science Awareness)

Baithuti le badiri go tswa diyunibesiting ba ka tla go dira diteko le dipatlisiso tsa Bonetetshi mo Hartebeesthoek.

Phasalatso ya kitso-kakaretso ya Astronomi, Botaki le Bonetetshi e dirwa ka go ruta bana ba dikolo, ditlhopa le bathosetshabeng fa ba etetse Bolepamagodimo ba Hartebeesthoek.

Katiso ya Barutisi (Educator workshops) e tshwarwa mo diporofenseng tsotlhe tse di mo Bokone ba Afrika Borwa. Tsona di rulaganyeditswe go thusa Barutisi go tlhaloganya, mme ba kgone go ka tlhalosetsa baithuti karolo ya Astronomi mo dithutong tsa sekolo tsa gompieno, mo lenaneong la thuto la OBE (Outcomes Based Education).

orrery
Go diriswa dibopiwa tse dinnye tsa Letsatsi, Lefatshe le Ngwedi, tsa maitirelo (orrery) go tlhalosa dipaka (seasons).

Lebisa Dipatlisiso go:
e-mail: info@hartrao.ac.za
mogala: +27 12 301-3100
fax: +27 12 301-3300
post: HartRAO, PO Box 443, Krugersdorp 1740, South Africa.
World Wide Web: http://www.hartrao.ac.za

E lekotswe ka 2002/02/27 ke Mike Gaylard.
E ranoletswe Setswaneng ka 2003/04/08 ke Pulane Moroeng.